PABALESEGO YA BATSAMAYA KA DINAO
Go tsamaya fa thoko ga tsela
Tsamaya mo tselanathokong ya dinao. Fa go sena tselanathoko ya dinao, tsamaela kgakala le tsela ka fa letlhakoreng la moja.
Fa o tsamaya go bapa le tsela ya botlhe, netefatsa gore o tsamaela kgakala thata ka fa letlhakoreng la moja, go raya gore, o lebagane le pharakano.
Bontsi jwa dijanaga bo dirisa ditsela tse di farologaneng ka mabelo a a farologaneng, mme ka jalo go kotsi tota gore bana ba tshamekele fa thoko ga tsela. Fa ngwana a tshamekela mo gare ga tsela, mokgweetsi wa sejanaga a ka retelelwa ke go mo sutela gongwe go ema ka gangwe. Seno se ka tlhola dikgobalo gongwe loso
Ka gale tsamaya go lebagana le pharakano e e tswang kwa pele gore o kgone go bona dijanaga tse di lebaganeng nao nako e sale teng.
Bana ba ba nang le dingwaga tse di ka fa tlase ga 12 ga ba kgone go lekanyetsa gore sejanaga se tla tsaya sebaka se se kae pele ga se fitlha fa go bona. Netefatsa gore ka gale ba tsamaya le mogolo.
Go kgabaganya tsela
O ka kgabaganya tsela fa fela go babalesegile go ka dira jalo. O seke wa taboga.
O seke wa kgabaganya mo mafelong a go sa bonaleng sentle mo go ona, go tshwana le mo digorong le mo metlhatlogong ka ntlha ya fa go se bonolo gore bakgweetsi ba go bone ka bonako.
Batsamaya ka dinao ga ba a letlelelwa mo TSELAFEFONG.
Kgabaganya tsela ka tlhamalalo.
Go kgabaganya tsela morago ga go fologa dipalangwa tsa botlhe: DIBESE LE DITHEKESI
Ema pele go fitlhelela bese/thekisi e ema tsi, pele ga o ka fologa.
Emela pele gore bese/thekisi e tsamae gore o kgone go bona dijanaga tse di tlhagang kwa dintlheng tsotlhe tsa tsela.
Fa tsela e bulegile, o ka kgabaganya ka bonako morago ga go leba kwa mojeng, kwa molemeng le kwa mojeng gape.
Go kotsi tota go kgabaganya fa pele ga bese/thekisi e e folosang bapalami ka ntlha ya fa:
Yona bese kgotsa thekisi e o sa tswang go fologa mo go yona e ka go thula gongwe ya go gata
O ka thulwa gongwe wa gatwa/ wa bolawa ke sejanaga se se tla bong se tlhaga kwa ntlheng e bese/thekesi e o e fologang e tswang gona.
Go babalesegile go fologa kwa boemelong jwa dibese gongwe jwa dithekisi.
Go kgabaganya tsela fa dirobotong/fa diponeng tsa pharakano
Kgabaganya fa fela monna yo motala a tshubile mme go babalesegile go ka dira jalo.
Fa monna yo motala a fetoga go nna monna yo mohibidu fa o sa ntse o kgabaganya, tswelela go lebelela kwa morago le kwa pele go bona dijanaga tse di ka neng di tla.
Fa lebone le lehibidu la roboto le fetogela go nna letala, dijanaga tse di tswang kwa pele le kwa morago le tsona di nna le tetla ya go tsamaya. Netefatsa gore bakgweetsi ba a go bona le gore ba eme, pele ga o ka kgabaganya.
Tsela/mmila e tshwanetse go dirisiwa ke badirisi botlhe ba yona mmogo; ka jalo go botlhokwa tota gore o kgabaganye ka bonako gore bakgweetsi ba tswelele pele le bona.
Go kgabaganya mo lefelong lengwe ntle le le go laolwang kgabaganyo mo go lona
Seno se kaya go kgabaganya tsela kwa lefelong lengwe le lengwe fela ntle le le le laolwang. Seno se ka nna kotsi tota mme se ka lebisa kwa dikgobalong gongwe loso.
Bakgweetsi ba solofela go go fitlhela kwa makgabaganyong a a laolwang a tshwana le: makgabaganyo a batsamaya ka dinao a a tshwailweng, mafelo a a nang le matshwao a go ema mmogo le kwa dirobotong, mme le moo, o ntse o tshwanetse go tsholetsa dinao go letla badirisi ba bangwe ba tsela go tswelela pele. Seno ke se re se bitsang go dirisa tsela mmogo le go tlotla badirisi ba bangwe ba tsela.
Tagi le tsela
Tila go dirisa tsela morago ga go nwa nnotagi/diritabatsi ka ntlha ya fa di ama pono ya gago mmogo le go itsetsepela ga gago, mme ka jalo go dire gore go nne boima mo go wena go kgona go lekanyetsa sekgala le lebelo la dijanaga tse di lebaganeng nao, mme sa botlhokwa, go kgabaganya tsela ka bonako.
Go nwa mme morago o tsamaye mo tseleng, go kotsi fela jaaka go nwa mme o kgweetse.
Go laisa dithoto le batho go feta tekanyo
Go laisa go feta tekanyo ke eng?
Go laisa go feta tekanyo ke maiteko mangwe le mangwe a badirisi ba dipalangwa, bakgweetsi gongwe bapalami go feta selekano sa go laisa sa molao sa sejanaga, e ka nna ka bomo gongwe e se ka bomo.
Kotsi ya go laisa go feta tekanyo
Go laisa go feta tekanyo mmogo le dithaere tse di sa siamang go baka palo e e kwa godimo ya dintsho le dikgobalo mo ditseleng tsa rona. Go tlaleletsa seno, go laisa go feta tekanyo go baka ditshenyegelo tse di balelwang go dimilione tsa diranta mo mafaratlhatlheng a ditsela mmogo le mo dijanageng tse go laisitsweng mo go tsona. Ela tlhoko dintlha tse di latelang:
Sejanaga se se laisitsweng go feta tekanyo se tla tsaya sebaka go ema mo mabakeng a tshoganyetso. Fa go ka tlhokega gore o sute go efoga kotsi, nako ya go tsiboga e tla nna telejana ka ntlha ya go laisa go feta tekanyo.
Ga go bonolo go laola sejanaga se se laisitseng go feta tekanyo mme ga o kgone go gatelela mafura bonolo jaaka mo sejanageng se se siameng, mme seno se dire gore go nne kotsi go sega tsebe.
Dithaere tsa sejanaga se se laisitseng go feta tekanyo di a gotela mme di nne boleta - seno se ka dira gore di thunye.
Go laisa go feta tekanyo go dira gore sejanaga sa gago se kgonamele kwa morago mme seno se ka dira gore o seke wa kgona go bona dikhuti mo tseleng mmogo le dikgoreletsi tse dingwe tse di ka nnang mo tseleng.
Go laisa go feta tekanyo go senya ditsela mme ka jalo o ka duedisiwa madi a a boitshegang.
Batho ba le bantsi ba isiwa ditirong gongwe kwa mafelong a a farologaneng ba palame kwa morago ga dilori gongwe dibene letsatsi lengwe le lengwe - ba le mo godimo ga merwalo. Mme kana ba a bo ba sena mabanta, ditilo, gongwe sepe fela. Ka bomadimabe, seno se oketsa thata kelo e e kwa godimo ya dintsho mmogo le batswasetlhabelo mo ditseleng tsa rona.
Molawana wa 247 o tlhalosa gore batho ba ka pegiwa kwa morago ga sejanaga sa dithoto fa fela e le gore lefelo le ba emeng, gongwe ba ntseng mo go lona, le tswaletswe ka sengwe se se thata se se tla kgonang go ba sireletsa gore ba seke ba wa mo sejanageng.
Go le gantsi bakgweetsi ba dibese le dithekisi ba laisa dijanaga tsa bona go feta tekanyo. Re utlwa gantsi mo dikgannyeng go twe "Thekesi gongwe bese e e neng e laisitse go feta tekanyo e amegile mo kotsing...". Go tshwanetse ga bewa kitsiso mo beseng/thekising nngwe le nngwe go totobatsa palo ya batho ba ba ntseng fa fatshe le ba ba emeng ka dinao ba ba sejanaga seo se letleletsweng go ba pega. Mokgweetsi yo o laisang batho gongwe dithoto o tshwanetse go sekasekwa gore a o siametse tiro eo mmogo le go rutwa ka moo a tshwanetseng go kgweetsa ka gona. Bakgweetsi ba tshwanetse go dirisa dikitsiso go tila go laisa dijanaga go feta tekanyo.
O ka lemoga jang sejanaga se se laisitsweng go feta tekanyo?
Ka moo se tlhatlogang ka boima ka teng mo motlhatloseng
Mokgwa o mathaere a lebegang ka ona
Modumo wa enjene
Mofuta le seelo sa morwalo o o bonalang o laisitswe mo sejanageng
Ka moo sasepenšene e lebegang ka gona
Mosola wa go se laise go feta tekano mo sejanageng sa gago
Go somarela nako. Ga o diege, sekai, fa o isa merwalo gongwe fa merwalo e sekasekwa
Go somarela tšhelete:
Madi a dikotlhao
Dipaakanyo/tlhokomelo
Mathata a diinšorense fa o ka amega mo kotsing mme ga fitlhelwa gore sejanaga se ne se laisitse go feta tekanyo.
Pabalesego ya bapalami ba dibaesekele
Matseno
Go palama dibaesekele e setse e le mokgwa o mogolo wa boitapoloso mme gape baesekele e setse e le sepalangwa sa botlhokwa mo Aforika Borwa.
Baesekele ke sepalangwa fela jaaka dipalangwa tse dingwe. Fela baesekele e farologana le dipalangwa tse dingwe ka ntlha ya fa e kgweediwa ka maatla a motho. O na le ditshwanelo, maikarabelo mmogo le ditiro fela jaaka bakgweetsi ba bangwe. Gakologelwa gore bapalami ba dibaesekele ga ba a letlelelwa go kgweetsa mo ditselafefong.
Pele ga go palama baesekele mo tseleng ya botlhe, o tshwanetse go tlhaloganya melao ya tsela mme gape o nne le bokgoni jwa go kgweetsa baesekele ka pabalesego mo pharakanong.
Baesekele e tlhalosiwa ka molao e le sepalangwa, mme fa o palame baesekele o tshwanetse:
Go obamela matshwao otlhe a tsela.
Go emela batsamaya ka dinao.
Go tlogela sekgala se se babalesegileng magareng ga gago le dipalangwa tse dingwe go go kgontsha go tila kotsi fa mokgweetsi yo o fa pele ga gago a ka tshwanela go ema ka bonako.
Go tila go kgweetsa baesekele ka mokgwa o o botlhaswa.
Go lebelela dipalangwa tse dingwe; leka go lebagana le bakgweetsi ba bangwe gore o netefatse gore a ba go bona.
Go nna o butse matlho go bona dintšwa gonne di ka go lelekisa. Seno se ka tlhagisa kotsi ka ntlha ya fa dintšwa di ka itatlhela mo tseleng mme seno sa baka kotsi.
Go ela tlhoko mafelo a a relelang fa pula e na gongwe morago ga pula.
Go rwala kokoro ka gale gore o tile go gobala mo tlhogong fa o ka tlhagelwa ke kotsi.
Go tila go lebelela dipone tsa dikoloi tse di tlang kwa pele ka tlhamalalo gonne seno se ka ama pono ya gago go se nene bosigo.
Mopalami wa baesekele ga a tshwanela:
Go lebagana le pharakano. Molao o laela gore bapalami ba dibaesekele ba tshwanetse go ela ntlha e le nngwe le pharakano.
Go pega ope, ntle fela le fa baesekele e na le setilo sa bapalami se se direletsweng mo go yona.
Go tsweletsa gongwe go nna le seabe mo lebelong la dibaesekele mo tseleng ya botlhe fa seo se sa rebolwa ke bathati ba puso gongwe ba puso selegae.
Go rwala difounu tsa ditsebe tse di tswalelang ditsebe tsotlhe fa a palame baesekele mo tseleng ya botlhe.
Ela tlhoko: Le fa bontsi jwa dikotsi tsa dikoloi le dibaesekele bo bakwa ke bakgweetsi ba dikoloi, ntlha e le nngwe e e totobetseng ke ya gore: Mopalami wa baesekele o a latlhegelwa mo kotsing nngwe le nngwe. Gakologelwa gape: dijanaga di na le "mafelo a a sa bonaleng", gongwe mafelo a a bapileng le sejanaga a mokgweetsi a sa kgoneng go bona sentle mo go ona. Lefelo le le sa bonaleng le legolo mo dijanageng ke ka fa letlhakoreng la moja kwa morago; leka gore o seke wa kgweetsa fa lefelong leno le le sa bonaleng.
